Alemanaka ya Matsalo a Sekolo sa Dikgakologo
Malatsi a a kgethegileng a na le lefelo le le kgethegileng mo historing ya rona"
Sekolo sa Dikgakologo ke porojeke e e tsamaisiwang ke Lefapha la Thuto la musiamo wa Robben Island. Ke lanane la malatsi a a 7 la ngwaga le ngwaga go nniwa kwa teng. Tiragalo e e simolotse ka 1998, mme e ngokile badiragatsi go tswa Aforika Borwa, Namibia le UK. Sekolo sa Dikgakologo ke karolo ya togamaano ya "Robben Island on The Move" e e ikaeletseng go tsweletsa setlhaketlhake jaaka lefelo la go tsweletsa go ithuta le thuto. Ka nako ya tsweletso ya lenane badiragatsi ba kampana le mabaka a a amanang le setso le ngwao-boswa. Gape le tlamela tshedimosetso ka ga boiphediso mo lephateng la ngwao-boswa.
Thitokgang ya Sekolo sa Dikgakologo ke "Motswedi wa Kitso" se se kayang "Boitumelelo Kitso". Ka thitokgang e badiragatsi ba sekaseka mekgwa e e farologaneng e kitso e bonwang ka yona, le gore batho, ditiragalo tsa botlhokwa tsa setšhaba, mafelo, le dikumo tse di dirilweng ka matsogo di tlotliwang le go itumelelwa. Gape thitokgang ke mokgwa wa go sekaseka maemo a a farologaneng a kgang ya Robben Island. Ka go lemoga maemo, badiragatsi ba rotloediwa go akanya ka ga kgolagano e e nang nayo le setšhaba, batho, mafelo, dilo le ditiragalo.
Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Loleme lwa ga Mme
Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Loleme lwa ga Mme le ikaeletse go tsweletsa dipharologano tsa puo le thuto ya dipuo tse dintsi le temoso ya dipuo le ditso go ikaegilwe ka kutlwisiso, boitshokelano le dipuisano.
Gompieno bokana ka dipuo di le 6000 kgotsa go feta tse di buiwang mo lefatsheng di mo kotsing. Go feta dingwagakgolo di le tharo tse di fetileng, dipuo di sule le go nyelela ka lebelo le le gakgamatsang. Bonnyane bokana ka dipuo di le 3000 di mo kotsing kgotsa kgotsa di a swa mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe.
Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Loleme lwa ga Mme, le le ketekiwang ka la 21 Tlhakole ngwaga le ngwaga go ralala lefatshe, le ne la kgakolwa kwa kopanong ya khonferense ya kakaretso ya UNESCO ka 1999, mme le ne la katekwa ka la 21 Tlhakole 2000 lekgetlho la ntlha.
Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho (Aforika Borwa)
Ka motlha wa kgethololo mo Aforika Borwa letsatsi le le ne le itsege jaaka Letsatsi la Sharpville, mme le fa e se karolo ya malatsi a boikhutso a setšhaba ka motlha oo, ditiragalo di ne di gakologelwa ke mekgatlho e e kgatlhanong le kgethololo.
Molaotheo o mošwa wa Aforika Borwa o tlamela tshiamelo ya go tlhomiwa ga Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa (SAHRC) e maikaelelo a yona e leng go tsweletsa tlotlo ya ditshwanelo tsa botho, go tsweletsa tshireletso, tlhabololo le phitlhelelo ya ditshwanelo tsa botho mo Aforika Borwa. SAHRC e kgakotswe ka la 21 Mopitlwe 1996, dingwaga di le 35 morago ga ditiragalo tse di botlhoko tsa 21 Mopitlwe 1960 fa badiraditshupetso ba ne ba thuntshiwa ke mapodisi.
Molao o o Tlhabolotsweng wa Bantsho wa 1952 o ne wa atolosa taolo ya Mmuso mo metsamaong ya Ma-Aforika go ya kwa dikgaolong tsa metsesetoropo, le go phimola tiriso ya Dipasa (lokwalo lo Ma-Aforika a neng a patelesega go le tshola mo go bone "go supa" gore ba ne ba letleletswe go tsena mo dikgaolong tsa "basweu") mme ba dirise bukana ya boitshupo e e neng e tshwanetse go tsholwa ke Ma-Aforika otlhe ka dinako tsotlhe. Go retelelwa ke go ntsha bukana ya boitshupo fa e batliwa ke lepodisi e ne e le tlolomolao. Go sale gale ka 1960 makoko a ANC le PAC ka bobedi a ne a itsise matsholo kgatlhanong le Melao ya Dipasa.
Ka la 21 Mopitlwe 1960 bagwanti ba ne ba kopana kwa seteišeneng sa mapodisi sa Sharpville kwa ba neng ba fisa dipasa. Go ne ga tsoga tlhakatlhakano. Bontlhabongwe jwa legora la terata le ne la digiwa go letla matshutitshuti go gwantela kwa pele. Mapodisi a ne a thuntsha, kwa ntle ga go newa taelo e e reng ba thuntshe. Go ne ga bolawa batho ba le masomethataro-robongwe, mme ga gobadiwa ba ba lekgolo le masome a robedi.
Beke morago ga moo Ma-Aforika a le 30 000 a ne a gwanta go tswa kwa Langa go tsena ka Motse Kapa ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Phillip Kgosana. O ne a rerisanela go etelela badiraditshupetso pele go tswa ka toropo fela fa Tona ya Bosiamisi a ka solofetsa go buisana nae. O ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe, fela o ne a tshwarwa fa a boetse morago tebang le peelano.
Gompieno, letsatsi la 21 Mopitlwe le itsege jaaka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho, mme ke lengwe la malatsi khunologo ya semmuso mo alemanakeng.
Letsatsi la Kgololosego (Aforia Borwa)
Letsatsi la Kgololosego ke sesupo sa ditlhopho tsa ntlha tsa demokerasi mo Aforika Borwa ka la 27 Moranang 1994. Le ke letsatsi le ka lone batho botlhe ba boutetseng palamente e le nngwe. E ne e le lekgetlho la ntlha bantsho ba Aforika Borwa ba neng ba kgona go boutela baeteledipele ba naga ya bone.
ANC African National Congress e e neng e ileditswe dingwaga tse dintsi mo Aforika Borwa e ne ya bona phenyo e e kwa godimo. Nelson Rolihlahla Mandela yo o neng a ntse kwa kgolegelong dingwaga di le 27 ka ntlha ya ditumelo tsa gagwe tsa sepolotiki, o ne a tlhophiwa go nna Poresidente ya ntlha ya Aforika Borwa e ntšhwa.
Letsatsi la Kgololosego ke letsatsi le le kgethegileng mo matshelong a Ma-Aforika Borwa. Ke segopotso sa kgololosego ya Aforika Borwa morago ga dingwaga tse dintsi tsa kgethololo le kgatelelo.
Letsatsi la Badiri
Motsheganong 1, Letsatsi la Badiri Boditšhabatšhaba ke la keteko ya histori ya kgaratlho ya badiri lefatshe ka bophara, mme le amogelwa mo nageng nngwe le nngwe ntle le Dinaga tse di Kopaneng le kwa Canada. Seno se diragala le fa letsatsi le la boikhutso le simologile mo dingwageng tsa bo 1880 kwa Dinageng tse di Kopaneng.
Letsatsi la Ntlha la Motsheganong, ka 1886 e ne e le boikuelo jwa go dira diura di le robedi ka letsatsi mo ditoropong tse dintsi tsa Amerika. Jaanong le golaganngwa thata le Haymarket Martyrs. Bomo e e neng ya latlhelwa ke motho yo o sa itsiweng kwa kopanong (raling) ka la 4 Motsheganong 1886 Sekwaereng sa Haymarket kwa Chicago, e ne ya bolaya lepodisi le le lengwe. Le fa go se kile ga tlhamamisiwa gore ke mang yo o latlhetseng bomo, tiragalo eo e ne ya dirisiwa jaaka seipato sa go tlhasela botlhe ba ba ka fa Molemeng le mekgatlho ya badiri. Mapodisi a ne a phuruphutsa magae le diofisi tsa babelaelwa, mme makgolokgolo a ne a tshwarwa ntle le tatofatso. Badiradikhuduego egolo setonna ba ne ba bogisiwa, mme ba ba robedi ba kwa Chicago ba ne ba latofadiwa ka go loga maano a go bolaya. Botlhe ba le robedi ba ne ba bonwa molato ke kgotlatshekelo ya mo mmileng, le fa go ne go se na bopaki jo bo ba golaganyang le motho yo o latlhetseng bomo ( a le mongwe fela ke ena a neng a le teng ka nako ya kopano, mme o ne a le mo serepuding sa mmusakgotla) mme ba ne ba atlholelwa loso. Ba le bane ba ne ba kalediwa ka Ngwanatseele 11, 1887. A le mongwe o ipolaile kwa kgolegelong. Ba ba neng ba setse ba le bararo ba ne ba itshwarelwa ka 1893.
Letsatsi la Motsheganong le tsweletse go gola gongwe le gongwe mo lefatsheng, mme go bonwe mekgatlho e mentsi ya badiri e keteka letsatsi le.
Badiri ba tshwanetse go amogela le go keteka Letsatsi la Motsheganong e seng fela go le ketekela botlhokwa jwa lone jwa histori, fela le go le dirisa jaaka tšhono ya go rulaganya mabaka a a botlhokwa thata a badiri.
Letsatsi la Bašwa (Aforika Borwa)
Letsatsi le pele le ne le itsege jaaka Soweto Day.
Ka 1975 go ne ga tsoga dingongorego tsa boipelaetso kwa dikolong tsa Ma-Aforika morago ga gore go tswe taolo kwa Lefapheng la Thuto ya Bantsho gore seAforikanse se dirisiwe jaaka puo ya go ruta kwa dikolong tsa sekontari. Le gale ntlha e, e ne e ka ga tiriso ya seAforikanse go le kalo, fela e ne e le ka ga thulaganyo yotlhe ya Thuto ya Bantsho e e neng e farafarilwe ke dikolo le yunibesithi tse di farologaeng, didiriswa tse di bokowa, diphaposi tsa borutelo tse di penologang le barutabana ba ba sa itseng go bua seAforikanse.
Ka la 16 Seetebosigo 1976 baithuti ba ba fetang 20 000 go tswa kwa Soweto ba ne ba simolola mogwanto wa boipelaetso. Mo nakong ya thulano le mapodisi le tirisodikgoka e e neng ya latela mo dibekeng tse di mmalwa tse di latelang, tekano ya batho ba ka nna 700, bontsi jwa bona e le bašwa ba ne ba bolawa, mme le dithoto tsa senngwa. Ditiro tsa boipelaetso tsa bašwa di ne tsa anama le naga. Hector Petersen e ne ya nna ena motlhokofatswa wa ntlha. Letsatsi la Bašwa le dirisetswa go gakologelwa ditiragalo tse.
Letsatsi la Setšhaba sa Lefatshe
Ka Seetebosigo 1989, Khansele e e Busang ya United Nations Development Fund (UNDP) e atlanegisitse gore letsatsi la Phukwi a tlhola 11 le tsewe ke setšhaba boditšhabatšhaba jaaka Letsatsi la Setšhaba sa Lefatshe. Dingwaga di le 40 fela morago ga 1940 re setse re fitlhile dibilione di le 6. Go feta bilione o le mongwe wa rona re magareng ga dingwaga di le 15 le 24. Ke palo e kgolo ya bašwa e e kileng ya nna teng mo lefatsheng.
Ka letsatsi le go ikaeletswe go tsepamisa megopolo ya setšhaba mo botlhokweng jwa dintlha tse di amang setšhaba, segolo thata tebang le maano a ditlhabololo ka kakaretso, le botlhokwa jwa go bona ditharabololo tsa mathata a setšhaba mo lefatsheng.
Letsatsi la Basadi Boditšhabatšhaba (Aforika Borwa)
Ka Phatwe 9 1956 diketekete tsa basadi ba ne ba gwantela kwa dikagong tsa kopano kwa Tshwane go ngongorega kgatlhanong le Molao wa Dipasa wa kgatelelo. E ne e le mongwe wa meganto ya ntlha ya boidiididi mo historing ya naga e. Maikemisetso a bone go lwantsha thulaganyo e e sa siamang ya kgethololo a ne a tlhagisiwa ke tsekedi e: "Wathintha bafazi, wathint'umbokoto - Wa ama basadi, o kgotlhile semane sa dinotshe."
Letsatsi la Basadi ke tebogo ya tlotlo e e neelwang dimilione tsa basadi naga ka bophara ba maiteko a bone a bogatlamelamasisi a thusitseng mo go tsalweng ga Aforika Borwa o mošwa.
Letsatsi la Ngwao-Boswa (SA)
Keteko ya ntlha ya Letsatsi la Ngwao-Boswa e ne e tshwerwe ka la 24 Lwetse 1995.
Botlhokwa jwa letsatsi ke go amogela dintlha tsa setso sa Aforika Borwa tse di ka tshwarwang le tsa di sa tshwarweng ka mabogo. Se se akaretsa tlhagiso ya boitlhamedi, go ja boswa jwa histori ya rona, puo, dijo tse re di jang, gammogo le lefatshe le re nnang mo go lone.
Mmuso o tlhomamisa thitokgang ya meletlo ya ngwaga le ngwaga.
Letsatsi la Barutabana ba Lefatshe Lotlhe
Letsatsi la Barutabana ba Lefatshe Lotlhe le kgakotswe ke Mokaedikakaretso wa pele wa UNESCO, Federico Mayor, kwa Khonferenseng ya Boditšhabatšhaba ka ga Thuto kwa Geneva ka 1994. Letlha la 5 Diphalane le ne la tlhophiwa ka ntlha ya gore ke ka letlha leo ka 1996 mo e leng gore khonferense e e kgethegileng gareng ga mebuso e neng ya rulaganngwa ka kopanelo ke UNESCO le Mokgatlho wa Bodiri wa Boditšhabatšhaba (ILO) , o ne wa amogela itshisinyo e e sa ntsaneng e dira le gompieno tebang le Maemo a barutabana.
Letsatsi la Barutabana le gakolola mebuso le setšhaba ka kakaretso ka ga mosola wa barutabana le tlhokego ya go tokafatsa seriti le maemo a bone a tiro. Gape ke tšhono ya go bontsha ditebogo tebang le tiro e ba e dirang mo paakanyetsong ya setšhaba se tlang go dira sentle mo lefatsheng le le fetogang. Ka letsatsi la go leboga ba ba itlhophetseng go ineela mo tirong ya borutabana, ka kitso ya gore ga se mongwe le mongwe yo o ka rutang sentle - e ka tswa e le mo lifelong le le rulagantsweng kgotsa le le sa rulaganngwang, go sa kgathalesege gore didirisiwa dingwe tsa tiro e di ka nna thata jang, ga di ka ke tsa ema kgatlhanong le kgolagano le motho le go tlhaloganya le tshwetso ya morutabana yo o katisitsweng ka seporofešenale.
Ke moletlo wa mofuta wa one o le nosi kwa Engelane.
Ka letsatsi le ka 1605, setlhopha Bakatolika ba Roma ba lekile go phampholola Dikago tsa Palamente, le mmuso, Kgosi James wa 1, Kgosigadi le morwa'bone. Ba ne ba befedisitswe ke mokgwa o Kgosi a neng a tshwere Bakatolika ka one, mme ba akanya gore Bakatolika ba Maesimane ba tla kgona go thopa bogosi jwa naga fa ba ka bolaya Kgosi, matona a gagwe le maloko a Palamente. Se e ne e le Leano la Mosidi wa Tlhobolo.
Barulaganyi ba lemena ba ne ba hira kamotshana ka fa tlase ga Dikago tsa Palamente, mme Guy Fawkes a fitlha dibarele di le 36 tsa mosidi wa tlhobolo foo malatsi a le mmalwanyana pele Palamente e ka kopana. Fela mongwe wa barulaganyi a tsibosa motswalle, Lord Monteagle, gore a se ka a ya kwa Palamenteng ka la 5 Ngwanatseele. Lord Monteagle o ne a tsibosa mmuso, mme Guy Fawkes o ne a fitlhelwa ka fa kamotshaneng, mme a tshwarwa. Barukhutlhi ba ne ba swa ba gana go tshwarwa kgotsa ba ne ba sekisiwa mme ba bolawa.
Ka jalo, letsatsi la bo 5 Ngwanatseele e ne ya nna letsatsi la boikhutso jwa tebogo. Ka letsatsi le bana ba dira ditshwantsho ka diaparo tsa kgale di tsentswe matlhaka le dipampiri go tshwantsha botshelo jwa ga Guy Fawkes. Ba tsamaya ba di rwele mo mebileng ba kokoanyetsa "Guy dipene". Batho ba gotsa molelo o mogolo, ba fisa Guy mo molelong o. Ba thuntsha dikhirikhete le go ja Jacket Potatoes le go besa ditšhesenate.
Fa go ne go na le setso kwa Devon se se neng se ka tlhaloswa e le se se "tlolang ditlhase", e ne tota e tshwanetse go nna se se diragatswang kwa Ottery St. Mary. Ottery ke toropo e e himileng histori, setso le dinaane. Tiragalo ya ngwaga le ngwaga e e diragadiwang Bosigo jwa Guy Fawkes, e akaretsa batho ba taboga go kgabaganya mebila ya toropo ba rwele dibarele tsa legong tse di tlolang ditlhase mo mekwatleng ya bone. Diketekete tsa batho ba kokoana mo toropong go bogela tiragalo e.
Letsatsi la Lefatshe la Aids
Go ne go lekanyeditswe kwa bofelong jwa 2001 gore go na le batho ba le dimilione di le 40 mo lefatsheng lotlhe ba ba tshelang ka HIV/AIDS. Go ne go na le dintsho di le 21,8 milione tse di bakilweng ke AIDS kwa bofelong jwa 2000 le tekanyetso ya 13,2 milione ya dikhutsana tsa AIDS.
Letsatsi la lefatshe la Aids le ketekiwa go ralala lefatshe ka la 1 Sedimonthole ga tlhagisa dipalopalo tse le kgatelopele e e dirilweng mo ntweng kgatlhanong le leroborobo le. Gape ke letsatsi la go gakolola batho ka ga tiro e e sa ntsaneng e tshwanetse go dirwa.
HIV e sa ntsane e le letshwao le le kgomarelang. Kgethololo ka ntata ya HIV e aname. Kgethololo e ama matshelo a batho ba ba nang le HIV ka mokgwa o o sa siamang, mme e thatafatsa maiteko a thibelo le tlhokomelo ka ntlha ya gore batho ba kgorelediwa go itlhatlhoba, go bona kalafi le ditirelo tsa thibelo.
Gantsi batho ba nna le letshogo le le se nang motheo tebang le batho ba ba nang le HIV. Se se ka dira gore batho ba ba nang le HIV ba latlhegelwe ke ditsala tsa bone, ditiro, metswalle le magae a bone.
Go thibela se, letsholo la 2002/2003 la Lefatshe la AIDS le tlhokometse thata le le kgomarelang le le amanang le HIV, kgethololo le Ditshwanelo tsa Botho.
DITEBOGO
METSWEDI E MENGWE:
BATHO BA BA TAKILENG DIPOTA
BA BANGWE:
Johnny Seutloali yo o re letlileng go dirisa pasa ya gagwe
Gaby Cheminas yo o thadileng moono wa "Motswedi wa Kitso" wa Sekolo sa Dikgakologo
